Tiragatso ya Bobedi
Published online by Cambridge University Press: 24 November 2023
Summary
Temana I
Kwa ntlong ya Kgosi. Go tsena Morongwa.
Morongwa: Kgosi, ke phaketse ka kgapha monye;
Mogatsa-Moilwe o ntubadubile mmele,
Ke tebakilwe ke mohumagadi wa kgosi,
A ntuba a mpolaisa ditshego,
A tlabatlaba ka selepe le tšhaka,
A re dikgomo tsaabo ga di gapiwe,
Ga dike di ralalwa go sena thero.
Kgosi, mogatsa-Moilwe molepa-dilo,
Mogatsa-kgosi o lepile dilonyana,
Le bo-ntshe o na a ba etsa,
Le bera tota o ne a e gaisa.
Ke mo reile ka re le fa a agile-legora,
Nna phudufudu ya Kgosi ke tla thoba,
Ke tla tsena mokhutleng fela ka thata.
Motswasele: Jaaka o bua jaana dikgomo di kae?
Morongwa: Ke di tlogetse kwa morakeng, Mokwena.
Motswasele: Ga ke re ke rile e re ke go bona Le tsone ke bo ke di bona?
Morongwa: Ke jalo, Mokwena.
Motswasele: Mme ke eng o di tlogetse?
Morongwa: Ke tla boa ke ya go di gapa, Kgosi;
Mme kana ntwa ya bana ba mpa ga e tsenwe
Ke mothonyana jaaka nna wa lona mmogo.
Motswasele: O motho wa me le mang?
Morongwa: Le mogatsa-Moilwe, Mokwena.
Motswasele: Tsamaya o ye go gapa dikgomo tseo!
Tsayang digai le melamu ya lona,
Mme o tsamae le barongwa ba bangwe.
Fa lo fitlha lo di gape! O a utlwa?
Fa a di thiba lo mmolae! O a utlwa?
Monna yo o tla lwang lo lwe! O a utlwa?
Morongwa: Ke reeditse, Tau ya me, re tla dira jalo. (O a tswa)
- Type
- Chapter
- Information
- Motswasele II , pp. 19 - 32Publisher: Wits University PressPrint publication year: 2022